Motswasele II
55 pages
Tswana

Vous pourrez modifier la taille du texte de cet ouvrage

Découvre YouScribe en t'inscrivant gratuitement

Je m'inscris

Motswasele II , livre ebook

Découvre YouScribe en t'inscrivant gratuitement

Je m'inscris
Obtenez un accès à la bibliothèque pour le consulter en ligne
En savoir plus
55 pages
Tswana

Vous pourrez modifier la taille du texte de cet ouvrage

Obtenez un accès à la bibliothèque pour le consulter en ligne
En savoir plus

Description

Terama ya Setswana Motswasele II e atlhaatlha botlhokwa jwa setheo sa bogosi ka baanelwa ba ba maatla ba banna ba Batswana, Moruakgomo and Motswasele.


Mo Motswasele II, terama ya ntlha e e kwadilweng ke Motswana e e ikaegileng ka ditiragalo tsa hisetori, L.D. Raditladi o sekaseka bogosi ka baanelwa ba babedi ba banna ba ba maatla, Moruakgomo le Motswasele. Go ya ka hisetori ya Bakwena, bobedi joo e ne e le dira ka ba ne ba lwela bogosi. Raditladi o kgala mokgwa wa puso wa ga Motswasele, yo o busang ka letsogo la tshipi, a itseela metlhape ya batho ba gagwe mme lefoko la gagwe e le la bofelo. O itikagantse le batho ba ba sa tshepagaleng e bile ba sa itse sepe ka boeteledipele kgotsa sepe se se tsamaelanang le bogosi. Moruakgomo, ka fa go je lengwe, o tlhagelela e le moetapele yo o pelo, wa segatlhamelamasisi, yo o botlhale, yo o ponelopele e bile a kgona go reetsa fa a gakololwa.



Mo terameng, Raditladi o lemosa kgosi go se kgopise batho ba e tlaa tsogang e ba tlhoka kamoso, le go se letle dikoma tse a di iteelwang go mo ya tlhogong le go mo tlatsa maikgogomoso. Motswasele II e fatlhosa babuisi ka ga botlhokwa jwa setheo sa bogosi, le botlhokwa jwa kgosi go busa ka botlhale le go rarabolola dikgotlang fa di runya.




Sujets

Informations

Publié par
Date de parution 01 décembre 2022
Nombre de lectures 2
EAN13 9781776145430
Langue Tswana

Informations légales : prix de location à la page 0,0900€. Cette information est donnée uniquement à titre indicatif conformément à la législation en vigueur.

Extrait

MOTSWASELE II
The African Treasury Series, published from the 1940s onwards, consists of works written by pioneers of South African literature in African languages. It has provided a voice for the voiceless and celebrated African culture, history and heritage. The reissue of these foundational texts with new introductions supports ongoing efforts to highlight the importance of writing in indigenous languages, and to remember and celebrate these early giants of African literature.
These reissued texts maintain the orthographic and typesetting fidelity of the original editions published by Wits University Press. New introductions to the texts are included, in the original language and in English.
Several years of concerted effort went into restoring this collection to its rightful place in the canon of African literature. Wits University Press took care to be mindful of the major changes in publishing that have occurred since the works were first published, and undertook several initiatives to reissue these texts. A grant was received from the WiSER Mellon African Digital Humanities project in order to produce the new editions.
Several strong supporters of this project were instrumental in advising, working on and providing the solid basis on which the full print and digital availability of these titles could be completed. It is thanks to the tireless efforts of Nhlanhla Maake, Tuelo Gabonewe, Langa Khumalo, Mike Mahase, Njabulo Manyoni, Sabata Mokae, Fran Saunders, Dumisani Sibiya, Pat Tucker, Mpume Zondi and Karen Press.
MOTSWASELE II
AFRICAN TREASURY SERIES NO. 9
L.D. RADITLADI
Published in South Africa by
Wits University Press
1 Jan Smuts Avenue
Johannesburg 2001
www.witspress.co.za
First published by Wits University Press, 1945
Published edition © University of the Witwatersrand, 2022
Introduction © Sabata-mpho Mokae, 2022
Cover photograph from Kutlwano Magazine (n.d.), courtesy of The Botswana Society
978-1-77614-080-0 (Paperback)
978-1-77614-111-1 (Web PDF)
978-1-77614-543-0 (EPUB)
All rights reserved. No part of this publication may be reproduced, stored in a retrieval system, or transmitted in any form or by any means, electronic, mechanical, photocopying, recording or otherwise, without the written permission of the publisher, except in accordance with the provisions of the Copyright Act, Act 98 of 1978.
Proofreader and translation of Introduction: Tuelo Gabonewe
Project manager: Karen Press
Cover design: Hybrid Creative
Typeset in 10.5 point Plantin
Tafole ea Likateng
Ketapele
Matseno
Introduction
Tiragatso ya Ntlha
Temana I
Temana II
Temana III
Temana IV
Tiragatso ya Bobedi
Temana I
Temana II
Temana III
Temana IV
Temana V
Tiragatso ya Boraro
Temana I
Temana II
Temana III
Temana IV
Temana V
Tiragatso ya Bone
Temana I
Temana II
Temana III
Temana IV
Temana V
Tiragatso ya Botlhano
Temana I
Temana II
Temana III
Temana IV
Temana V
Temana VI
Ketapele
Setlhogo sa terama e ya dikgang tsa se-morafe e ne e le “Serukhutli” pele ga e tsenela kgaisano ya “May Esther Bedford” ka 1937, kwa mokwadi wa yona a neng a fenya sekgele sa ntlha sa phenyo. Mo kabong e ya sekgele, neo ya go boka e ne ya lemogwa ka botlalo mo go Rre L. D. Raditladi.
Go tloga ka nako eo Rre Raditladi o dirile ditshiamiso dingwe mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha, a bo a fetola dintlha dingwe tsa terama ka boyona. Setlhogo sa yona le sona se ne sa fetolwa go nna Motswasele II. Re itumela go gatisa lokwalo lo gore lo nne longwe lwa dikwalo tsa “Bantu Treasury”.
C. M. DOKE
Morulaganyi
The Bantu Treasury Series
1945
Matseno
Sabata-mpho Mokae
Leetile Disang Raditladi o tsaletswe kwa Serowe kwa lefatsheng la Bangwato kwa Botswana ka ngwaga wa 1910. Rraagwe e ne e le Disang Raditladi fa mmaagwe e ne e le Nkwana Rantshosa. O tsaletswe mo lelapeng la segosi la Bangwato.
O simolotse dithuto tsa gagwe kwa sekolong se sepotlana sa Serowe mme a ya go di tsweletsa kwa setheong sa thuto sa Tiger Kloof gaufi le Huhudi kwa Bokonebophirima, mme a ya go dira lokwalo lwa marematlou kwa Lovedale College. Morago one a ikwadisetsa go dira lokwalo lwa Bachelor of Arts kwa South African Native College e kwa morago e fetotsweng go nna University of Fort Hare kwa eDikeni (Alice) kwa Kapabotlhaba. Raditladi ga a kgona go fetsa dithuto tsa gagwe mme o ne a boela gae kwa Serowe.
Ka ngwaga wa 1937, Tshekedi, yo o neng a le kgosi ya namaotshwere ya Bangwato, one a latofatsa Raditladi ka go ikutswa le mogatse mme a feleletsa a mo imisitse, ngwana a bo a tsholwa. Kgogakgogano ya ga Raditladi le Tshekedi e nnile le tlhotlheletso e kgolo mo bokwading jwa ga Raditladi. Mangwe a maboko a gagwe a ne a ikaegile ka yona kgotlhang eo. Mo lebokong la “Motlhokagae” (Raditladi 1975: 6) Raditladi o ntsha maikutlo a gagwe ka ditatofatso tsa ga Tshekedi:
Lobule ditsebe, ke bula letlole,
Ke tla duma jaaka segwana sa phefo,
Kgotsa ke duma fela jaaka botlole,
Ke kurutla jaaka diphuka tsa phofo,
Ka bagetsho bane ba ntsenya tlhalefo,
Ba mpopela kgomo ya mmopa, ya lela,
Namane ya yone ka ba ka e kotela.
Tiro ya gagwe ya ntlha ya bokwadi e ne e le lotshelo (bayokerafi) lwa ga Khama III lo lo neng lwa amogelwa go ka phasaladiwa a sa ntse a tsenetse dithuto kwa kholetšheng ya Lovedale. Ka go tlhoka lesego, puso ya nako eo ya kwa Tshireletsong (Bechuanaland Protectorate) e ne ya e ema kwa pele mme lokwalo loo lo seke lwa phasaladiwa. Go ne go lebega fa sekgoreletsisegolo e ne e le Tshekedi. Raditladi one a latofadiwa ka gore o diritse leyakgatiso leo go tlhasela Tshekedi, yo a neng a setse a sa tlhole a nosana metsi le ena.
Lerato la ga Raditladi la tiriso ya bokwadi le puo le bonagetse fa a ne a kwala mo lokwalodikgannyeng lwa Naledi ya Batswana ka dingwaga tsa bo 1940 fa a ne a dira mo Lekgotleng-tsamaiso la Bosetšhaba (National Administration Council). Fa a ne a kwala khôlômô ya gagwe mo lokwalodikgannyeng o ne a ipitsa “Observer”.
Dilo di mmalwa tse bokwadi jwa ga Raditladi bo boneng tlhotlheletso go tswa mo go tsona, nngwe ya tsona ke tiro ya gagwe mo go tsosoloseng mokgatlho wa badiri wa Francistown African Employees Union ka 1952 le go nna mothei wa lekoko la dipolotiki la Bechuanaland Protectorate Federal Party, le kwa morago le neng la fetola leina go nna Liberal Party, ka 1959. Gone ka ngwaga wa 1959, Raditladi one a tlhomiwa go nna kgosi ke Botsamaisi jwa Morafe wa Bangwato (Ngwato Tribal Administration) kwa Mahalapye kwa a tlhokafaletseng teng ka ngwaga wa 1972.
Go tshameka karolo mo dipolotiking, mo bogosing le go tlhorisiwa ga gagwe ke Tshekedi, di tlhotlheleditse bokwadi jwa gagwe thata. Ka nako ya fa a ne a ntse a kgarakgatshega kwa metseng le kwa ditoropong tse di farologaneng kwa Tshireletsong (Bechuanaland Protectorate) kgatlhego ya gagwe mo puong ya Setswana e ne e ntse e tsepame.
Raditladi o nnile moagi wa ntlha wa Botswana go kwala terama e e ikaegileng ka ditiragalo tsa hisetori fa a ne a kwala Motswasele II . Go lebega a bone tlhotlheletso, fela jaaka Solomon Tshekisho Plaatje yo o tlileng pele ga gagwe, mo dikwalong tsa ga William Shakespeare. Leyakgatiso le le feleditseng e le terama ya ga Raditladi ya Motswasele II , o ne a le bitsa Serukhutli fa le ne le fenya Bedford Literary Competition ka ngwaga wa 1937.
Motswasele II ke terama e e buang ka bogosi jwa Bakwena. Go ya ka hisetori ya Bakwena, Moruakgomo le Motswasele ba ne ba lwela bogosi. Mo terameng Motswasele o latofadiwa ka go nna kgosi ya mmusaesi e e bogagapa e bile e sa tlotle batho ba yona. Motswasele o ne a busa ka letsogo la tshipi, a itseela dikgomo tsa batho ba gagwe mme lefoko la gagwe e le la bofelo. Go ne go bonala gore o ne a sa itse go busa, e bile a sa itse le go tsaya dikgakololo tsa balekgotla kgotsa bagakolodi ba gagwe. Tota le ba ntlo ya bogosi o ne a se na sepe le bona. O ne a reetsa batho ba ba sa tshepagaleng e bile ba sa itse sepe ka boeteledipele kgotsa dilo tse di tsamaelanang le bogosi. O ne a tle a tlontlolole maloko a lelapa la bogosi fa pele ga morafe.
Mo lebokong la “Baboki ba Dikgosi” (Raditladi 1975: 46), Raditladi o bua ka fa bogosi jwa ga Motswasele bone bole ka teng, le ka ba ba neng ba mo eme nokeng e bile ba mo fa dikgakololo.
Mo temaneng ya ntlha, Raditladi o lemosa kgosi go se kgopise ba e tlaa tsogang e ba tlhoka kamoso:
Ba re kgomo thokwana e a raga,
Thokwana e ragile le bagami.
Mo temaneng ya bone o tsenyeletsa le baboki ba kgosi, ba ba e bokang le fa e dira tse di sa siamang. O ba gakolola gore seemagare sa poko ke boammaruri:
Baboki ba jeno batlhalefi,
Lose boke poko ya lefifi,
Joo boleruarua ga se bogosi,
Go metsa batho ga go tshabise,
Go kwatlalatsa pelo tsa batho,
Ditsheko di se fele tsa batho.
Ditiro tsa ga Motswasele le tsela ya gagwe ya go busa di ne tsa tlhola go sa itumeleng mo morafeng wa gagwe. Morafe o ne wa latlhegelwa ke tshepo mo kgosing, wa simolola go tlhoka kagiso mme motse wa nna le go sa iketlang. Fa go ntse go le jalo, bontsi jwa batho ba gagwe ba lemoga fa ba ka ikanya Moruakgomo yo bontsi bo neng bo lemoga fa e le moeteledipele wa nnete. O ne a na le ponelopele, a le pelotelele, a le botlhale, a na le kutlwelobotlhoko mo bathong, a kgona go ba reetsa e bile a le pelokgale.
Fa motho o buisa dikwalo tsa ga Raditladi tsotlhe; dipadi, diterama le maboko, o fitlhela bontsi jwa tsona di na le morero o le mongwe kgotsa di tlhakanetse merero: bogosi, boetapele, hisetori ya dintwa gareng ga merafe le go tsholetsa ditso le ditsela tsa botshelo tsa bagaabo.
Setheo sa bogosi, se e leng morero mo Motswasele II , se ka fa tlase ga kgatelelo mo Aforikaborwa mo motlheng wa morago ga nako ya kgethololo ka mmala le morafe. Pharologano gareng ga tsamaiso ya dikgosi le ya dipusoselegae kwa metseng ga e bonale sentle ka dinako dingwe e bile go a tle go bonale fa bogosi bo sa tshameke karolo e kgolo mo tsamaisong jaaka mo nakong e e fetileng. Mo Motswasele II re lemoga fa kgosi e tshwanetse go nna le maatla, e reediwa, e bile e tsereganya fa go na le

  • Univers Univers
  • Ebooks Ebooks
  • Livres audio Livres audio
  • Presse Presse
  • Podcasts Podcasts
  • BD BD
  • Documents Documents